Matthew 2

Kgorogo ya balepi ba dinaledi

1Jesu o na a tsalelwa mo motseng wa Bethelehema, mo Judea metlheng ya puso ya ga Kgosi Herode.

E rile ka yone nako eo balepi ba dinaledi bangwe ba goroga mo Jerusalema ba tswa mafatshing a botlhabatsatsi, mme ba botsa ba re,
2“E fa kae Kgosi e ncha e e tsetsweng ya Bajuda? Ka gore re bonye naledi ya gagwe mo mafatshing a a kgakala a botlhabatsatsi, mme re tsile go mo obamela”.

3Kgosi Herode o ne a tshwenyega thata ka potso ya bone, le batho botlhe ba motse wa Jerusalema ba ne ba tlala khuduego. 4A bitsa phuthego ya baeteledipele ba tumelo ya Sejuda, a ba botsa a re, “A baporofiti ba kile ba re bolelela kwa Mesia o tsalelwang teng?”

5Mme ba mo araba ba re, “Ee, mo Bethelehema, ka gore mo ke mo moporofiti Mika o go kwadileng a re, 6‘Wena motsana wa Bethelehema, ga o legae la Juda le le nyatsegang, gonne mo go wena go tlaa tswa molaodi yo o busang batho ba me ba Iseraele.’ ”

7Hong Herode a romela molaetsa ka sephiri kwa baleping ba dinaledi, a ba kopa gore ba tle go mmona, e rile mo phuthegong e, a ba tlhotlhomisa go mmolelela nako tota e ba simolotseng go bona naledi ka yone. Mme a ba raya a re 8“Tsamayang lo yeng kwa Bethelehema lo fete lo senke ngwana. E re lo sena go mmona lo boele kwano go nkitsise gore le nna ke tle ke ye go mo obamela.”

9E rile morago ga puisanyo e, balepi ba dinaledi ba simolola go tsamaya gape. Mme bonang! Naledi ya iponatsa gape mo go bone, e eme fa godimo ga Bethelehema. 10Boitumelo jwa bone jwa nna bogolo thata!

11Ya re ba tsena mo tlung e ngwana le Marea mmaagwe ba mo go yone, ba wela ka mangole fa pele ga gagwe ba mo obamela. Ba bula dimpho tsa bone mme ba mo fa gauta, leswalo le le nkgang monate (la kobamelo) le setlolo se sengwe se se bidiwang mera. 12Mme e rile fa ba boela kwa ga bone, ba se ka ba ralala Jerusalema go itsise Herode, ka gore Modimo o ne o ba tlhagisitse mo torong go boela gae ka tsela e sele.

Jesu o falosediwa kwa Egepeto

13E rile ba sena go tsamaya, moengele wa Modimo a bonala ka toro mo go Josefa. Mme a mo raya a re, “Tsoga o tshabele le ngwana le mmaagwe kwa Egepeto, o nne teng go fitlhelela ke go raya ke re o boe, ka gore Kgosi Herode o tsile go leka go bolaya ngwana.” 14E rile mo bosigong joo a ya Egepeto le Marea le losea, 15mme a nna teng koo go fitlhelela Kgosi Herode aa swa. Mo ga diragatsa polelelopele ya moporofiti e e reng, “ke biditse morwaake go tswa mo Egepeto.” 16Herode o na a tlala bogale fa a lemoga gore balepi ba dinaledi ga ba a dira ka fa a ba laetseng ka teng. Mme a roma masole kwa Bethelehema go bolaya ngwana mongwe le mongwe wa mosimane go simolola ka wa dingwaga tse pedi go ya kwa tlase mo motsing le mo tikologong yotlhe ka gore balepi ba dinaledi ba ne ba mmoleletse gore naledi e sale e bonala mo dingwageng tse pedi tse di fetileng. 17Tiragalo e e setlhogo e ya ga Herode, ya diragatsa polelelopele ya ga Jeremia e e reng, 18“Selelo sa khutsafalo sa utlwala se tswa Rama, selelo sa khutsafalo e kgolo; ragele a lelela bana ba gagwe; a gana go gomodiwa ka gobo ba sule.”

Go boela kwa Nasaretha

19E rile Herode a sena go swa, moengele wa Modimo a bonala ka toro kwa go Josefa mo Egepeto, mme a mo raya a re, 20“Tloga o tseye ngwana le mmaagwe o boele nabo kwa Iseraele, ka gore ba ba neng ba leka go bolaya ngwana ba sule.”

21Mme ka bofefo a boela kwa Iseraele le Jesu le mmaagwe.

22Mme e rile mo tseleng a boifa fa a utlwa gore Kgosi e ncha ke Arekelao morwa Herode. Mme ya re ka toro e nngwe a tlhagisiwa gore a seka a ya Judea, jalo a ya Galalea; 23ba nna mo Nasaretha. Mo, ga diragatsa seporofeso sa baporofiti kaga Mesia se se reng, “O tlaa bidiwa Monasara”.
Copyright information for TsnLEF